Go tshwarwa ga ga Jesu
47Mme ya re ka lona lobaka loo a ntse a bua, Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a goroga le bontsi jo bogolo jwa batho ba tshotse dichaka le melamu ba romilwe ke Baeteledipele ba Sejuda. 48Judase o na a ba reile a re ba tshware yo o tlaa mo dumedisang gonne e tlaa bo e le ene yo ba mmatlang. 49Hong Judase a tla a tlhamalaletse kwa go Jesu a re, “Dumela Morena!” Mme a mo tlamparela ka tsela ya go atla ka lorato lo lo feteletseng lwa tlhologelelo.
50Jesu a re, “Tsala ya me, tswelela pele o dire se o se tletseng.” Hong ba bangwe ba mo tshwara. 51Mongwe wa banna ba ba patileng Jesu a somola chaka a kgaola tsebe ya motlhanka wa Moperesiti yo mogolo.
52Mme Jesu a mo raya a re, “Baya chaka ya gago, ba ba dirisang dichaka ba tlaa bolawa. 53A ga o lemoge gore ke ne ke ka kopa Rre dikete tsa baengele go re sireletsa, mme o na a ka ba roma gone fela ka nako eo. 54Mme fa nkabo ke dirile jalo; Dikwalo di ne di ka diragadiwa jang tse di tlhalosang se se diragalang jaanong jaana?”
55Hong Jesu a bua le bontsintsi jwa batho a re, “A ke serukutlhi se se diphatsa, mo lo neng lwa tshwanelwa ke go tsaya dichaka le melamu pele ga lo ntshwara? Ke ntse le lona ka malatsi otlhe ke ruta mo Tempeleng mme ga lo ise lo ke lo nkganele. 56Mme mo gotlhe ga diragala go diragatsa mafoko a baporofiti jaaka a kwadilwe mo Dikwalong.”


