Go mogolwane wa phuthego ya Saredise
1“Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e mo Sadisa lokwalo lo o re: molaetsa o, o romelwa ke yo o nang le mewa e supa ya Modimo le dinaledi di supa. Ke itse tumo ya gago jaaka phuthego e e tlhaga e e tshelang, mme o sule.
2“Mme jaanong tsoga! Nonotsha bonnye jo bo setseng, gonne le jone bonnye jo bo setseng bo tlaa tloga bo o swa. Ditiro tsa gago di kgakala le tshiamo mo matlhong a Modimo.
3“Boela kwa go se o se utlwileng wa bo wa se dumela lwa ntlha; se tshegetse thata mme o boele mo go nna gape. Fa o sa dire jalo, ke tlaa tla ka tshoganetso mo go wena, jaaka legodu, mme ke go otlhae.
4“Le fa go ntse jalo mo Sadisa bangwe ga ba ise ba ke ba suputse diaparo tsa bone ka leswe la lefatshe; ba tlaa tsamaya le nna ba apere bosweu, gonne ba tshwanetse.
5“Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa apara bosweu, mme ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo lokwalong lwa botshelo, mme ke tlaa bolela fa pele ga ga Rre le baengele gore ke wa me.
6“A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”


