Go tshela ka fa Moweng O O Boitshepo

1Mme jaanong ga go na tshekiso e e emet seng ba e leng ba ga Keresete Jesu. 2Gonne nonofo ya Mowa wa botshelo, nonofo e e leng gore ke ya me ka Keresete Jesu, e nkgolotse mo bogaleng jwa sebe le loso. 3Ga re bolokwe mo botshwarong jwa sebe ke go itse melao ya Modimo, gonne ga re ka ke le gone re bile ga re e tshegetse, mme Modimo o ne wa dirisa leano lengwe go re boloka. O romile Morwaa one mo setshwanong sa rona, pharologanyo fela ke gore mebele ya rona e na le boleo, mme Morwaa one ene o bolaile taolo ya sebe mo go rona ka go intsha setlhabelo sa dibe tsa rona. 4Jaanong re ka tshegetsa melao ya Modimo fa re sala morago Mowa O O Boitshepo re bo re khutlisa go obamela tlholego e kgologolo e e bosula e e mo go rona.

5Ba ba iteseletsang go laolwa ke ditlholego tsa bone tse di kgologolo ba tshelela fela go itumedisa matshelo a bone, mme ba ba salang Mowa O O Boitshepo morago ba iphitlhela ba dira dilo tse di itumedisang Modimo. 6Go sala morago Mowa O O Boitshepo go isa kwa botshelong le kagiso, mme go sala morago tlholego e kgologolo go isa losong, 7gonne tlholego e kgologolo ya boleo e e mo go rona e kgatlhanong le Modimo. Ga e ise e ke e bo e obamele melao ya Modimo mme le gone ga e kitla e e obamela. 8Ke sone se e leng gore ba ba sa ntseng ba le ka fa tlase ga taolo ya bone e kgologolo ya boleo, ba gapesegetse ka fa go saleng morago dikeletso tsa bone tse di kgologolo tse di bosula, ba ka se ke ba itumedisa Modimo.

9Mme lona ga lo a nna jalo. Lo laolwa ke tlholego ya lona e ncha fa mowa wa Modimo o nna mo go lona. (Mme gakologelwang gore le fa e le mang yo o senang Mowa wa ga Keresete, ga se Mokeresete gotlhelele). 10Mme le fa tota Keresete a nna mo go wena, mmele wa gago o tlaa swa ka ntlha ya sebe, mme mowa wa gago o tlaa tshela, gonne Keresete o o itshwaretse.

11Mme fa Mowa wa Modimo, o o tsositseng Jesu mo baswing, o nna mo go lona, o tlaa dira gore mebele ya lona e e swang e tshele gape morago ga lo o swa, ka one Mowa O O Boitshepo o, o o nnang mo go lona.

12Jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ga lo na ditshwanelo le fa e le dipe mo tlholegong ya lona e kgologolo ya boleo go dira se e batlang gore lo se dire. 13Gonne fa lo tswelela go e sala morago lo latlhegile ebile lo tlaa nyelela, mme fa ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo lo e ripitla le ditiro tsa yone tse di bosula, lo tlaa tshela. 14Gonne ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo ke bana ba Modimo.

15Jalo ga re a tshwanela go tshwana le batlhanka ba ba boi ba ba magatlapa, mme re tshwanetse go nna jaaka bana ba Modimo ka sebele, ba ba dirilweng bana ka go tsenngwa mo lwapeng lwa one, go mmitsa “Rara, Rara.” 16Gonne Mowa wa one O O Boitshepo o buisanya le rona mo botennye jwa dipelo tsa rona, ebile o re bolelela gore re bana ba Modimo tota. 17Mme ka re le bana ba one, re tlaa rua mahumo a one, gonne gotlhe mo Modimo o go neelang Morwaa one le rona jaanong ke ga rona. Mme fa e le gore re tshwanetse go nna le seabe mo kgalalelong ya gagwe le rona re tshwanetse go nna le seabe mo go bogisiweng ga gagwe.